1 John 2

Jesu o re rapelela Modimo

1Bananyana ba me, ke lo bolelela selo se gore lo tle lo ikgaphe mo boleong. Mme fa lo leofa, go na le mongwe go lo rapelela mo go Rara. Leina la gagwe ke Jesu Keresete, ene yo e leng mosiami ebile a itumedisa Modimo ka botlalo. 2Ke ene yo o rweleng bogale jwa Modimo ka ntlha ya dibe tsa rona go re golola mo bogaleng jwa Modimo, a bo a re lere mo bolekaneng le Modimo, ebile ke boitshwarelo jwa dibe tsa rona, le gale e seng tsa rona fela, ebong tsa lefatshe lotlhe.

3Mme re ka tlhomamisa jang gore re ba gagwe? Re ka tlhomamisa ka go sekaseka bokafateng jwa rona ra re: a tota re leka go dira se a batlang re se dira?

4Mongwe o ka re, “Ke Mokeresete; ke mo tseleng ya me go ya legodimong; ke wa ga Keresete.” Mme fa a sa dire se Keresete a mo rayang a re a se dire, ke moaki. 5Mme ba ba dirang se Keresete a se ba rayang gore ba se dire, ba tlaa nna ba rata Modimo thata. Ke yone tsela ya go itse gore a o Mokeresete kgotsa nnyaa. 6Le fa e le mang yo a reng ke Mokeresete a tshele fela jaaka Keresete a ne a tshela.

Lesedi la ga Jesu

7Bakaulengwe ba ba rategang, ga ke lo kwalele taolo e ncha gore lo e obamele, gonne ke taolo e kgologolo e lo ntseng lo na nayo ka malatsi otlhe go tswa tshimologong. Lotlhe lo sale lo e utlwile pele. 8Le fa go ntse jalo e ncha ka malatsi otlhe ebile e lo direla fela jaaka e ne e direla Keresete; mme fa re obamela taolo e, ebong go ratana, lefifi le a nyelela mo matshelong a rona, mme mo go rona go pha-tsime lesedi le lesha la botshelo la ga Keresete.

9Le fa e le mang yo o reng o tsamaya mo leseding la ga Keresete mme a ila Mokeresete ka ene o santse a le mo lefifing. 10Mme le fa e le mang yo o ratang Mokeresete ka ene o “tsamaya mo leseding” ebile o ka bona tsela ya gagwe a sa kgopiwe mo lefifing le mo boleong.

11Gonne yo o ilang Mokeresete ka ene otsamaya mo lefifing la semowa ebile ga a itse kwa a yang teng, gonne lefifi le mo foufaditse gore a seka a bona tsela.

12Ke lo kwalela dilo tse lotlhe, bananyana ba me, gonne lo itshwaretswe dibe mo leineng la ga Jesu Mmoloki wa rona. 13Ke lo kwalela dilo tse lona ba lo godileng gonne ruri lo itse Keresete, ene yo o ntseng a tshedile go tswa tshimologong. Mme lona makau, ke bua le lona gonne lo fentse ntwa ya ga Satane. Gape ke kwalela lona basimanyana le lona basetsanyana gonne le lona lo ithutile go itse Modimo Rraa-rona.

14Mme lona borrabana ba lo itseng Modimo wa bosakhutleng, le lona makawana a a nonofileng, ka Lefoko la Modimo mo dipelong tsa lona, ebile lo fentse ntwa ya ga Satane, ke lo raya ke re: 15khutlisang go rata lefatshe leno le le bosula, le gotlhe mo le go lo neelang, gonne fa lo rata dilo tse, lo supa tota gore ammaaruri ga lo rate Modimo; 16gonne dilo tse tsotlhe tsa lefatshe, dikeletso tse di bosula tse, dikeletso tsa boaka, kgatlhego ya go reka sengwe le sengwe se se gapang maikutlo a gago, le boikgodiso jo bo dirwang ke khumo le go tlotlega, dilo tse ga di tswe kwa Modimong. Ditswa mo lefatsheng leno le le bosula. 17Mme lefatshe leno le a fela, mme dilo tse di bosula tse di idiwang tse di tlaa fela le lone, mme le fa e le mang yo o tswelelang a dira go rata ga Modimo o tlaa tshelela ruri.

Go ganetsa Keresete

18Bana ba me ba ba rategang, nako ya bofelo ya lefatshe leno e setse e tsile. Lo utlwile ka Moganetsa Keresete yo o tlang, ene yo o tlhabantshang Keresete, le gompieno batho ba le bantsi ba ba ntseng jaana ba setse ba tsile. Tiragalo e, e re dira gore re tlhomamise tota gore bokhutlo jwa lefatshe bo atametse. 19Batho ba ba tlhabantshang Keresete ba, e kile ya ne e le maloko a diphuthego tsa rona, mme tota e ne e se ba rona, gonne fa go ne go ntse jalo ba ka bo ba sa lomologa mo go rona. E rile ba lomologa mo go rona, ga supa sentle gore e ne e se ba rona gotlhelele.

20Mme lona ga lo a nna jalo, gonne Mowa O O Boitshepo o tsile mo go lona, ebile lo itse boammaaruri. 21Jalo ga ke lo kwalele jaaka ekete ke kwalela batho ba ba tlhokang go itse boammaaruri, mme ke lo kgalemela lo le ba lo itseng go lemoga pharologanyo fa gare ga boammaaruri le mmaaka.

22Ana moaki yo mogolo ke mang? Ke yo o reng Jesu ga se Keresete. Motho yo o ntseng jalo ke moganetsa-Keresete, gonne ga a dumele mo go Modimo Rara le mo go Morwaone. 23Gonne motho yo o sa dumeleng mo go Keresete, Morwa Modimo, ga a kake a dumela le mo Modimong. Mme yo o nang le Keresete Morwa Modimo, o na le One Modimo Rara. 24Jalo nnang lo dumele se lo se rutilweng go tswa tshimologong. Fa lo dira jalo, lo tlaa aga lo le mo bolekaneng jo bo nitameng thata le Modimo Rara le Morwaone. 25Mme ene ka sebele o re solofeditse se: botshelo ja bosakhutleng.

26Dilo tse ke di buang tse ka moganetsa-Keresete di raya fela ba ba tlaa ratang go lo dira difofu ba bo ba lo timetsa. 27Mme lo amogetse Mowa O O Boitshepo ebile o nna mo go lona, mo dipelong tsa lona, gore lo seka lwa tlhokana le ope go lo ruta se se siameng. Gonne o lo ruta dilo tsotlhe, ebile o Boammaaruri, ga se moaki; mme fela jaaka a buile, lo tshwanetse go nna mo go Keresete, lo sa kgaogane nae.

28Mme jaanong bananyana ba me, nnang mo bolekaneng jwa boitumelo le Morena gore e re fa a tla lo bo lo tlhomamisa gore gotlhe go siame, mme ga re na go tlhajwa ke ditlhong re bo re boela kwa morago fa re tshwanetse go mo kgatlhantsha. 29E re ka re itse gore Modimo o siame ka malatsi otlhe o bile o dira fela se se siameng, re ka tseela fela gore botlhe ba ba dirang tshiamo ke bana ba One.
Copyright information for TsnLEF